TIRISODIKGOKA E E IKAEGILENG KA BONG LE MOLAO WA TEKATEKANO
Tirisodikgoka e e ikaegileng ka Bong ke eng?
Tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong e akaretsa mefuta e e farologaneng ya tshotlakako mme yona e akaretsa petelelo, go tshosetsa ka thobalano, go jewa ntsoma, go nyatsa, go ketekiwa, go betelelwa ga bana, tirisodikgoka ya mo malapeng, go robalana ga masika, go rekisa mmele e seng ka go rata (go ananngwa ga thobalano), go bogisiwa, go tsenngwa dilo mo mapeleng le maiteko a petelelo.
Tiriso ya lereo la "tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong" e tlamela ka bokao jo bo ntšhwa jo re tshwanetse go sekaseka le go tlhaloganya tirisodikgoka kgatlhanong le basadi ka jona. E sutisa megopolo go tswa mo go boneng basadi jaaka batswasetlhabelo mme e o lebisa kwa goreng go lebelelwe gore bong le go tlhoka tekatekano ya maatla mo dikamanong tsa basadi le banna, go go bakilweng le go tswelediwa ke megopolo e e fosagetseng e e ka ga bong, ke tsona tota modi wa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi.
Lereo la "tirisodikgoka kgatlhanong le basadi" le kaya tiro epe fela ya tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong e e bakang, gongwe e e ka bakang, kgobalo gongwe kutlobotlhoko ya mmele, thobalano, maikutlo mo basading, go akarediwa matshosetsi a ditiro tseo, pateletso gongwe go ilediwa kgololesego, e ka nna mo botshelong jwa poraefete gongwe mo setšhabeng.
Go kgarakgatsha ka thobalano ke eng?
Go kgarakgatsha ka thobalano le go pateletsa ke mareo a kakaretso a maitsholo a a farologaneng. Mafoko a a tlwaetseng go dirisiwa go tlhalosa ditshotlakako tseno a akaretsa: 'petelelo', 'petelelo ya maitiso', 'petelelo ya setlhopha', 'go patelediwa go robalana', 'tirisodikgoka ya thobalano', 'go sotlakakaiwa'. 'go bontsha ba bangwe mapele' le 'go tshwaratshwariwa go go sa batlweng'. Maitsholo a a jalo ke tswelelopele e e jalo mme a farologana go tloga go go tshwaratshwariwa o sa batle le ditshwaelo tsa thobalano, go ya go petelelo gongwe polao ya petelelo. Le fa go na le pharologano e e bonalang magareng ga maitsholo a a kailweng mo dintlheng tse di farologaneng tsa tswelelopele (pharologano magareng ga go lelediwa molodi ka tsela e e bontshang kgatlhego ya thobalano le go betelelwa), bontsi jwa maitsholo a a bapileng bo a fetela mme bo kopane, mme seno se bake gore go nne le ketsaetsego e e tleng e bake dikganetsano.
Tirisodikgoka ya mo malapeng ke eng?
Batho ba le bantsi ba akanya gore tirisodikgoka e kaya fela tlhaselo e e bakang dikgobalo mo bathong. Tlhaloso e e atologileng ya tirisodikgoka e tshwanetse go akaretsa go sotliwa mo maikutlong le tshenyo ya dithoto jaaka tirisodikgoka. Fa re bua ka tirisodikgoka mo dikamanong tsa malapa, re dirisa tlhaloso eno ya tirisodikgoka. Fa re dirisa lereo la 'tshotlakako' le lona le kaya tirisodikgoka ya mo malapeng.
Tshotlakako ke:
Mokgwa wa taolo e e patelediwang ke motho yo mongwe go yo mongwe gore a kgone go mo gatelela le go dira jaaka a batla. Tshotlakako ke maitsholo a a utlwisang botlhoko mo mmeleng, a tsosang letshogo, a thibelang motho go dira se a se batlang gongwe a ba pateletsa go itshola ka ditsela tse ba sa di itlhopheleng ka kgololesego.
Go ntsha motho setlhabelo la bobedi ke eng?
Go ntsha motho setlhabelo la bobedi go kaya thulaganyo ya go dira gore motho yo e setseng e le motswasetlhabelo wa bosenyi, e nne motswasetlhabelo gape. Seno se diragala mo magatong a a farologaneng, mo tsamaisong ya bosiamisi le mo baaging. Go ntsha motho setlhabelo la bobedi go diragala fa ditheo (gongwe batho) tse di rweleng maikarabelo a tlhokomelo ya batswasetlhabelo di ikgatholosa maikarabelo ano, mme ka ntlha ya seno, motswasetlhabelo a itemogele kutlobotlhoko e nngwe gape.
Go ntsha motho setlhabelo la bobedi go ka diragala mo dintlheng tse di latelang mo tsamaisong ya bosiamisi :
Kwa sepodising
Kwa tirelong ya boitekanelo
Kwa kgotlatshekelo
Maatlafatso ya batswasetlhabelo ke eng?
Mekgatlho ya baagi e ka nna le seabe se se tlhaga sa go fokotsa go ntsha batho setlhabelo la bobedi ka go tlamela ditheo tse di farologaneng le baagi ka tshedimosetso. Go botlhokwa tota gore batswasetlhabelo ba maatlafadiwe le gore ditheo di rwale maikarabelo gore go fedisiwe ditiragalo tsa go ntsha batho batswasetlhabelo la bobedi mo tsamaisong ya bosiamisi. Motswasetlhabelo ke motho mongwe le mongwe yo o utlwisitsweng botlhoko gongwe a latlhegetswe ke sengwe ka ntlha ya bosenyi, fa maatlafatso yona e kaya "go naya maatla". Ka jalo, maatlafatso ya batswasetlhabelo e kaya: go naya ba ba utlwisitsweng botlhoko maatla.
Mokgwa o o ikaegileng ka motswasetlhabelo ke eng?
Tshwanelo ya go newa seriti
Tshwanelo ya go tlamela tshedimosetso
Tshwanelo ya go amogela tshedimosetso
Tshwanelo ya kgakololo ya semolao
Tshwanelo ya tshireletso
Tshwanelo ya go duelwa/tlhapisiwa diatla
Ditlamelo tsa Molaotheo ke dife?
Tshwanelo ya go gololesega mo tirisodikgokeng le tshotlakako mo setšhabeng le kwa lapeng .
Molaotheo o naya mongwe le mongwe tshwanelo ya kgololesego le pabalesego ya motho kgatlhanong le mefuta yotlhe ya tirisodikgoka.
Tshwanelo ya go tsewa ka tekatekano kwa tirong
Molaotheo o dira tlamelo ya gore ga gona motho ope yo o tshwanetseng go tlhaolwa mo tirong. Seno se kaya gore basadi le banna ba tshwanetse go nna le ditshono tse di lekalekanang mo tirong. Basadi le banna ba na le tshiamelo ya go dira mo lefelong le le se nang kgarakgatsho ya thobalano.
Molaotlhomo wa Ditlolomolao tsa Thobalano
Molaotlhomo o na le Molaotlhomo wa nakwana wa Molaotlhomo wa Ditlolomolao tsa Thobalano, o o nang le :
Ditlolomolao tsa Thobalano ka Kakaretso
Go atolosiwa ga tlhaloso ya petelelo go akaretsa thobalano ya go tsenya bonna mo bosading ntle le tumelelo ya motho yo mongwe le gore e nne tlolomolao e e akaretsang bong. Seno se kaya gore mosadi le ena a ka latofalediwa petelelo
Ditiro tsa thobalano tse di patelediwang;
Tshusumetso gore go letlelelwe thobalano
Go dirisa dilo dingwe gore go tle go nne le thobalano
Thobalano ya batho ba e leng masika
Ditsela tse motho yo o sotlakakang a dirisang taolo ka tsona:
Go tshosetsa
Go sotlakaka mo maikutlong
Go tlhaola motho gore a se kopane le ope
Go nyenyefatsa, iletsa le go pega molato
Go dirisa bana
Go dirisa tshiamelo
Go dirisa tshotlakako ya ikonomi
Go dirisa mekgwa ya pateletso le matshosetsi
